Sekausu
Tempolete:Infobox Birth control
Sekausu ke sediriswa se se bopegileng jaaka kgapetla se se dirisiwang ka nako ya thobalano go fokotsa kgonagalo ya go ima kgotsa megare e e tshelanwang ka tlhakanelodikobo (STI).[1] Go na le dikausu tsa banna le tsa basadi.[2] Fa e dirisiwa sentle—le go dirisiwa mo tirong nngwe le nngwe ya tlhakanelodikobo—basadi ba bakapelo ba bone ba dirisang dikausu tsa banna ba itemogela selekanyo sa boimana sa 2% ka ngwaga.[1] Ka tiriso e e tlwaelegileng seelo sa boimana ke 18% ka ngwaga. Tiriso ya tsona e fokotsa thata bodiphatsa jwa go ka tsenwa ke thosola, tlelamidia, trichomoniasis, hepatitis B, le HIV/AIDS.[1] Gape di sireletsa ka selekanyo se sennye kgatlhanong le dikakana tsa dikarolo dikarolo tsa sephiri, mogare wa papilloma wa motho ( HPV ) le Rasephiphi.[1]
Sekausu sa monna se rwalwa/tsenngwa ka go pitikololwa mo bonneng jo bo emeng pele ga thobalano mme se bereke go sireletsa ka go thibelang peo ya bonna go tsena mo mmeleng wa mokapelo ka nako ta thobalano.[1][3] Dikausu tsa banna gantsi di dirwa ka latex mme, ka tsela e e sa tlwaelegang, ka polyurethane, polyisoprene, kgotsa mala a nku.[1] Dikausu tsa banna di na le bomolemo jwa go dirisiwa bonolo, go bonwa bonolo, le ditlamorago di le mmalwa.[1] Mo go ba ba sa tseweng sente ke latex go tshwanetse ga dirisiwa polyurethane kgotsa mofuta o mongwe wa maitirelo.[1] Dikausu tsa basadi gantsi di dirilwe ka polyurethane mme di ka dirisiwa makgetlo a le mantsi.[3]
Dikausu jaaka mokgwa wa go thibela malwetse a tlhakanelodikobo di ntse di dirisiwa fa e sa le ka ngwaga wa sekete,makgolo a matlhano le masome a marataro le bone(1564).[1] Dikausu tsa rabara di ne tsa nna teng ka ngwaga wa sekete,makgolo a robabobedi le masome a matlhano le botlhano(1855), mme tsa latelwa ke dikausu tsa latex ka dingwaga tsa bo sekete,makgolo a robabongwe le masome a mabedi (1920).[4][5] E mo Lenaaneng la Melemo ya Botlhokwa la Mokgatlho wa Lefatshe wa Boitekanelo.[6] Ditshenyegelo tsa thekiso mo madirelong a matonakgolo mo mafatsheng a tlhabologang di ka nna 0.03 go ya go US$0.08 nngwe le nngwe.[7] Kwa United States gantsi dikausu di ja madi a a kwa tlase ga R1,00.[8] Lefatshe ka bophara batho ba ba kwa tlase ga 10% ba ba dirisang sekausu go thibela boimana.[9] Dikelo tsa tiriso ya sekausu di kwa godimo mo mo mafatsheng a tlhabologileng.[9] Kwa United Kingdom sekausy ke mokgwa wa bobedi o o tlwaelegileng thata wa go thibela pelegi (22%) fa kwa United States e le wa boraro o o tlwaelegileng thata (15%).[10][11] Go rekisiwa dibilione di ka nna thataro go ya go di le robongwe ka ngwaga.[12]
Ditshupiso
[fetola | Fetola Motswedi]- 1 2 3 4 5 6 7 8 9 Hatcher, Robert Anthony; M.D, Anita L. Nelson (2007). Contraceptive Technology (in Sekgoa). Ardent Media. pp. 297–311. ISBN 9781597080019. Archived from the original on 2017-09-18.
- ↑ World Health Organization (2009). Stuart MC, Kouimtzi M, Hill SR (eds.). WHO Model Formulary 2008. World Health Organization. p. 372. hdl:10665/44053. ISBN 9789241547659.
- 1 2 Speroff, Leon; Darney, Philip D. (2011). A Clinical Guide for Contraception (in Sekgoa). Lippincott Williams & Wilkins. pp. 305–307. ISBN 9781608316106. Archived from the original on 2016-11-14.
- ↑ Allen, Michael J. (2011). The Anthem Anthology of Victorian Sonnets (in Sekgoa). Anthem Press. p. 51. ISBN 9781843318484.
- ↑ McKibbin, Ross (2000). Classes and Cultures: England 1918–1951 (in Sekgoa). Oxford University Press. p. 305. ISBN 9780198208556.
- ↑ World Health Organization (2019). World Health Organization model list of essential medicines: 21st list 2019. Geneva: World Health Organization. hdl:10665/325771. WHO/MVP/EMP/IAU/2019.06. License: CC BY-NC-SA 3.0 IGO.
- ↑ "Condoms (Lubricated)". International Medical Products Price Guide. Management Sciences For Health, Inc. Archived from the original on 2 August 2017. Retrieved 2 August 2017.
- ↑ Shoupe, Donna (2011). Contraception (in Sekgoa). John Wiley & Sons. p. 15. ISBN 9781444342635. Archived from the original on 2020-07-29. Retrieved 2020-07-30.
- 1 2 Chen, Lincoln C.; Amor, Jaime Sepulveda; Segal, Sheldon J. (2012). AIDS and Women's Reproductive Health (in Sekgoa). Springer Science & Business Media. p. 6. ISBN 9781461533542.
- ↑ Herring, Jonathan (2014). Medical Law and Ethics (in Sekgoa). Oxford University Press. p. 271. ISBN 9780198702269.
- ↑ Daniels, K.; Daugherty, J.; Jones, J.; Mosher, W. (2015). "Current Contraceptive Use and Variation by Selected Characteristics Among Women Aged 15–44: United States, 2011–2013". National Health Statistics Reports (86): 1–14. PMID 26556545.
- ↑ Hermann, Henry R. (2016). Dominance and Aggression in Humans and Other Animals: The Great Game of Life (in Sekgoa). Academic Press. ISBN 9780128092958.